Purchase This Book
This is an external link.

Moletlo Wa Manong

Published By - Xarra Books

Book Description


Padi ya Moletlo wa Manong ke padi ya boraro ya ga Sabata-mpho Mokae. Ke tsweledi ya Ga ke Modisa, e e fentseng M-Net Film Award le M-Net Literary Award go nna padi e e gaisitseng ya Setswana ka ngwaga wa 2013. Moletlo wa Manong e golotswe ka ngwaga wa 2018 mme ka 2019 ya fenya South African Literary Award mo setlhopeng sa dipadi tsa dipuo tsotlhe tsa Aforikaborwa tse di neng di tsenetse sekgele seo.

Mo pading eno re bona mmegadikgang yo o tlotlegang thata, Otsile Mothibi, a fuduga mo torotswaneng ya Christiana morago ga go latofadiwa ka go tlhola loso lwa ga mogolowe, Thebe, yo o ipolaileng morago ga gore lekwalodikgang le Otsile e neng e le morulaganyi kwa go lona le senole gore o ne a le dinalanyana. E rile Thebe a lemoga fa a le gaufi le go lelelwa ke ditshipi, a tsaya botshelo jwa gagwe.

Otsile o ne a bona tiro kwa lekwalodikgannyeng le lengwe kwa Teemaneng mme fa a fitlha teng a rakana le dinta di fuduga. Kgwetlho ya gagwe ya ntlha e ne e le go dira mo lefelong le le neng le tletse bosemorafe. Morago ga foo o ne a bona tshedimosetso ka bogodu jwa madi a puso mme monna yo o mo fileng tshedimosetso eo, a ya ga maotwanahunyela ka tsela e e belaetsang. Ka nako eo, go ne go na le batho ba ba neng ba solofeditse mogatse Otsile, ebong Nandi, tiro ya maemo a a kwa godimo mo pusong fa Otsile a ka tlogela go batlisisa le go kwala ka ga bone.

Otsile o ne a lemoga fa boineelo jwa gagwe mo tirong ya bobegakgang le go swela nnete, go tsile go mo tlhokisa boroko. O ne a tshosediwa a ba a feleletsa a tshabile kwa


Reviews


8.5 Superb Based on 4 reviews
Food Quality
9.0
Service
9.5
Punctuality
6.0
Price
6.0
There are no reviews at the moment! Be the first to review Add Review